Book of remembrance

Mmaphefo Grace Mdlalati
2 August 1953 – 5 November 2026
Life Story
Tsa botshelo jwa moswi Mmaphefo Grace Mdlalati G Mmaphefo Grace Mdlalati e ne e le morwadia Baswi Motiko le Matlhakung Mogami. E ne e le ngwana wa bosupa mo lapeng, a na le bomogoloe ba le batlhano le kgaitsadie a le mongwe. O tlogela kgaitsadie a le mongwe fela. O tsholetswe kwa Mokgoleng (Zeerust), koo a goletseng teng le go tsena sekolo. Ka ngwaga wa 1990, o ne a tsena mo lenyalong le le boitshepo le Rre Richard Mdlalati. O ne a direla mo Sesolengsa Aforika Borwa (SANDF), kwa Kempton Park. Morgonyana o ne a ya go direla kwa Lenasia Military, koo a neng a tswelela ka tiro ya gagwe go fitlha a rola tiro ka ngwaga wa 2015. E ne e le motho yo o ratang metshameko, segolobogolo kgwele ya dinao. O ne a tshamekela ditlhopha tsa G-Lovers le Grannies Paradise. O tlogela morwa a le mongwe, morwadi a le mongwe, ditlogolo di le tlhano, kgaitsadie a le mongwe, ba losika le ditsala. Re tla nna re mo gakologelwa ka lorato le ka dilo tse dintle tse a re tlogeletseng tsona. Robala ka Khotso.
Photographs



























